Freedom Front Plus
Search
Freedom Front Plus

BUSETSA LE GO AGA SEŠA

A re ageng Aforika Borwa seša! Leano la FF Plus le neela ditharabololo tse di ka atlegang le tsholofelo ya go aga isago e e botoka. E akaretsa:

  • dipuso tsa makokomantsi tse di ntshang ANC mo pusong le go emisa kwelotlase ya ga jaana;
  • mokgwatsamaiso wa mmaraka o o bulegetseng botlhe o o nolofatsang pusetso le kagoseša;
  • go simolola pusogare e nnyane e e nang le seabe se se nnye mo matshelong a baagi;
  • go busetsa pusoselegae;
  • baagi ba ba ikemetseng jaaka dikarolotheo;
  • go rotloetsa tshwanelo ya molaotheo ya baagi ya go ikemela; le
  • go fedisa peomolao e e kgethololang go ya ka mmala wa letlalo.

Tshobokanyo ya Lekwaloikemisetso la FF Plus:

Lekwaloikemisetso la FF Plus le Letlhomeso la Pholisi di dira jaaka leano la go rarabolola mathata a Aforika Borwa a go tshwanetseng ga samaganwa le one ka potlako thata mme le tlisa pusetso ya maemo go nna a a siameng. Dintlha tse di latelang ke tsa botlhokwa thata tsa leano leno:

  • Rotloetsa mokgwatsamaiso o o bulegetseng botlhe le phitlhelelo e e lekalekanang ya ditšhono.
  • Simolola pusogare e nnyane, e e sa sunyeng nko thata mo matshelong a baagi.
  • Rotloetsa puso e batho botlhe ba lekanang mo go yone fa pele ga molao le go tlosa mefuta yotlhe ya bonweenwee.
  • Fedisa sete ya dipholisi tse di bayang kwa pele ditlhopha tsa batho ba ba neng ba kgetholotswe mo nakong e e fetileng le Maatlafatso ya Ikonomi ya Bantsho; dirisa maemo a loago le ikonomi jaaka mokgwatiriso wa maatlafatso le go rotloetsa ditšhono go botlhe.
  • Itse ka tshwanelo ya baagi ya molaotheo e e itsegeng mo maemong a boditšhabatšhaba a go ikemela.
  • Tlhoma makgotla a kwa motseng.
  • Neela diporofense boikemelanosi jo bontsi.
  • Simolola mokgwatsamaiso o monnyane wa pusoselegae o o nang le tiro e e tsepamisang mo go tsa selegae.
  • Tlhoma yuniti e e kgethegileng ya dipatlisiso go batlisisa ditirwana tse di seng mo molaong tsa batlhankedi ba mmasepala – go akaretsa tlolomolao ya peomolao ya merero ya tikologo.
  • Fokotsa tiriso ya madi a puso; dira gore ditheo tsa puso e nne tsa poraefete; oketsa lotseno la puso ka go tlhotlheletsa kgolo; neela namolo ya lekgetho; le go simolola khomišene ya lotseno la puso.
  • Sireletsa ditshwanelo tsa thoto ya gago ya poraefete.
  • Beeletsa mo go tokafatseng le go somarela keriti ya phetiso ya motlakase; samagana le bogodu jwa motlakase le go sireletsa dipopegotheo tsa motlakase; rotloetsa phetogelo go metswedi ya maatla a a ka ntšhafadiwang, e e jaaka diphanele tsa motlakase o o fetlhiwang ka marang a letsatsi; konosetsa go kgaoganngwa ga Eskom go nna ditheo tse di arogantsweng; fokotsa melawana e e gagametseng thata ya tsamaisopuso e e golaganngwang le go rebola makwalotetla a go fetlha motlakase; le go tlhama maemo a a siameng a taolo a go fetlha motlakase a poraefete le kgaisano mo lephateng.
  • Baakanya peomolao e e thibelang ditiro jalo e le go rotloetsa go tlholwa ga ditiro fa go ntse go tsweledisiwa mekgwatiriso e e sa gobeleleng ya ditiro; tlhama maemo a a siameng mo lephateng la poraefete go tlhola ditiro tse dintsi; fedisa mokgwatiriso o o sa tsweledisegeng wa go tlhola ditiro ga puso.
  • Somarela maemogodimo a thuto moo go ruta ka puo ya ga Mme go fitlhelesegang bonolo go fitlha le kwa maemo a a kwa godimodimo, mme e letla batsadi le baagi go tsaya ditshwetso.
  • Dira diikonomi tse di ikemetseng tsa selegae le go simolola Dikgaolo tse di Kgethegileng tsa Ikonomi.
  • Tsenya tirisong tshireletso ya tuediso, tlhotlhomiso, namolo ka nako ya matlhotlhapelo le go aga dipopegotheo go tswela mosola balemiruipotlana le ba ba dirang dikgwebo.
  • Dira letlhomeso le le se nang ditlamorago tse di sa siamang mo tikologong mme le kgona go gapeletsa kobamelo ya peomolao ya tikologo go tlhola maemo a a siametseng temothuo e e ka tsweledisiwang, jalo ya dikgwa le go tshwara ditlhapi.
  • Abela baagi ba ba dulang mo metseng e e mo lebopong kgotsa e e gaufi le lebopo seelo se se lekaneng sa ditlhapi tse ba ka di tshwarang, mme go tsweletswe go thibela ditlamo tse di bonalang di dira kgwebo e e siameng mme di dira bosenyi le tiriso e e gobelelang.
  • Naga e tshwanetse go tswa mo ditlhagisiweng, mekgwatiriso le metswedi ya maatla a a senyang tikologo; emisa kgotlelego le go rotloetsa tirisogape; dira maatla a a ka ntšhafadiwang setlapele; neela diphokoletso tsa lekgetho go batho ka nosi le dikgwebo tse di dirisang metswedi e mengwe ya maatla.
  • Tsenya tirisong mekgwatiriso e e thibelang go fetoga ga lefatshe go nna sekaka le go rotloetsa tsosoloso ya mmu moo le setseng le fetogile go nna sekaka.
  • Samagana le makoa le ditlhaelo tsa mokgwatsamaiso wa tshiamiso ya bosenyi go fedisa tirisodikgoka e e tlwaelegileng ya mo bathong ka ntlha ya bong jwa bone le petelelo.
  • Busetsa molao le tolamo ka go dira diyuniti tse di kgethegileng tsa bosenyi jwa tirisodikgoka, go utswiwa ga bana le batho le go ba gapeletsa go dira ditiro tse di rileng, bosenyi jo bo rulagantsweng, tirisodikgoka ya digongwana, thomeloteng le thomelontle ya diritibatsi le dipolao tsa borapolase.
  • Tlamela tlhokomelo ya maemogodimo ya pholo ka go baya kwa pele kitso ya boitseanape go na le go baya kwa pele phetolo; emisa taolo e e feteletseng ya dikema tsa thuso ya kalafi; tlhatlosa dipopegotheo tsa tlhokomelo ya pholo ya botlhe; simolola tirisanommogo fa gare ga maphata a tlhokomelo ya pholo a puso le a poraefete; tlosa Molaokakanngwa wa NHI.
  • Rotloetsa ditshwanelo tsa puo le tiriso ya dipuo tse dintsi.
  • Aga dikamano tsa boditšhaba ka ga go tlotla le go akanyetsa pele dinaga tse Aforika Borwa e setseng e simolotse kgotsa e ka simololang dikamano tse di tiileng tsa kgwebisano.
  • Netefatsa taolo e e nonofileng ya melelwane e e busetsang boikanyego jwa melelwane ya naga ya rona le e e khutlisang go tswa le go tsena ga dilwana tse di seng mo molaong, tse di jaaka dithunya le diritibatsi, go kgabaganya melelwane ya rona gammogo le go fuduga go go seng mo molaong.

Dintlhatsepamiso

Lekwaloikemisetso leno le neela leano le le akaretsang dintlhatsepamiso di le lesome tsa letsholo la ditlhopho la FF Plus.

  1. Aga mokgwapuso o montšha o o amogelang gore batho ba farologane mme o rotloetsa boikemedi jwa baagi.
  2. Fedisa bonweenwee le go thapiwa ga batho mo pusong ka ntlha ya gore e le maloko a lekoko le le busang go rarabolola mathata a puso a ditšhelete, dipopegotheo tse di phutlhamang le thebolo e e bokoa ya ditirelo.
  3. Busetsa tlamelo e e ikanyegang ya motlakase.
  4. Aga seša ikonomi ka go rotloetsa mmaraka o o bulegetseng botlhe, go tlholwa ga ditiro le ditshwanelo tsa thoto ya poraefete.
  5. Busetsa molao le tolamo, go dira pabalesego le tshireletsego ya baagi setlapele, le go netefatsa taolo e e nonofileng ya melelwane.
  6. Busetsa tlhokomelo ya pholo ya boleng le e e kgonang go fitlhelelwa bonolo.
  7. Somarela tikologo le metswedithuso ya tlhago ka go dirisa tlhabololo le tokafatso e e ka tsweledisegang.
  8. Rotloetsa thuto ya boleng e e dirisang puo ya ga Mme ya baagi.
  9. Dira maemo a a siameng a a siametseng temothuo, jalo ya ditlhare le botshwaratlhapi, fa re sireletsa seemo sa go nna teng ga dijo tse di nang le dikotla
  10. Aga letlotlo ka go dirisa maatlafatso ya mmatota e e se nang dipholisi tse di ikaegileng ka bomorafe tsa Sete ya dipholisi tse di bayang kwa pele ditlhopha tsa batho ba ba neng ba kgetholotswe mo nakong e e fetileng le tsa Maatlafatso ya Ikonomi ya Bantsho – go rotloetsa phitlhelelo e e lekalekaneng ya ditšhono

A re ageng isago e e botoka!

Wil jy voortgaan in Afrikaans of Engels?

Kies hieronder.

Would you like to continue in English or Afrikaans?

Choose below.